Dirang Moloi (o tshotswe ka 28 November 1985) ke motshameki wa kgwele ya dinao wa lefatshe la Botswana.
Moloi o simolotse tiro ya gagwe ya maemo a a kwa godimo a kgwele ya dinao ka ngwaga wa 2005 kwa Notwane FC kwa Gaborone. Morago ga dingwaga di le nne le sephatlo o ne a tlogela Notwane mme a saena Mochudi Centre Chiefs.[1]
Ka 2010 motshameki yo o fa gare o ne a adimelwa setlhopha sa Vasco da Gama kwa South African Premier Soccer League.[2] Ka Moranang 2011 o ne a boela kwa setlhopheng sa gagwe sa Mochudi Centre Chiefs.[3]
Ka 2017, o ne a kwadisa le setlhopha sa Gaborone United se se mo Botswana Premier League.[4]
Moloi o ne a tshamekela setlhopha sa setšhaba sa kgwele ya dinao sa Botswana mo metshamekong e le lesome le bongwe.