![]() Four yellow animals | |
![]() Manyana Rock Paintings | |
Location | Kweneng District, Botswana |
---|---|
Coordinates | 24°45′52″S 25°35′28″E / 24.76444°S 25.59111°ECoordinates: 24°45′52″S 25°35′28″E / 24.76444°S 25.59111°E |
Majwe le dikgaga tsa kwa Manyana tse di nang le ditshwantsho le botaki jo bo farologaneng, di ka fitlhelwa kwa dithabeng tsa Kolobeng, kwa borwa jwa Botswana. Go dumelwa gore botaki bo bo dirilwe ke ba lotso lwa Khoikhoi kgotsa Basarwa ka dingwaga tsa 1100 go ema ka 1700 morago ga loso lwa ga Kereste.[1] Ditshwantsho tse di bonwa mo makgotlong a le matlhano a a dikaganyeditseng thaba e e majwe[2]. Gompieno lefelo le le ageletswe ebile le tlhokometswe go nna segopotso mo sechabeng.[3][4]
Ditshwantsho tse di aname le matlapa a le matlhano a a kgaoganeng mo dimetareng di le makgolo a supa le masome a matlhano mo dithabeng tsa Kolobeng, Kilomitara e le nngwe go tswa kwa tlase. Lefelo le le gaufi thata le motse wa Manyana, mo kgaolong ya Borwa mme le mo molelwaneng wa kgaolo ya Kweneng.
Ditshwantsho tse di akaretsa diphologolo tse di amusang, dimela le tse di mo popegong e e sa tlhaloganyeseng. Diphologolo tse di amusang tsotlhe di supilwe lotlhakore di na le maoto a mabedi fela, mme tsa batho tsone di supilwe ba lebile ka pele.[2] Go dumelwa gore ditshwantsho tse di tshwantshitswe ke dingaka tsa setso e le ditiragalo tsa tumelo.[5] Dingwaokobamelo di akaretsa go bina e le tsela ya go ikgolaganya le mewa ya badimo.[6] Enke e e dirisitsweng go tshwantsha ditshwantsho tse e ne e dirwa ka go tswakanya matlapa a a boleta jaaka bauxite le madi a diphologolo.
Ka ntlha ya go fetoga ga seemo sa loapi, bontsi jwa ditshwantsho tse ga di sa tlhole di bonala sentle. Ka jalo palo ya bajanala ba ba etelang lefelo le e ile tlase.[7][8][4][9]
Ditshwantsho tse di mo matlapeng ga di a tlwaelesega thata mo borwabotlhaba jwa Botswana, ditshwantsho tse di kwa Manyana ke tsone fela tse di epilweng. Dilo tse di ribolotsweng mo patlisisong e di supa fa lefelo le le nnilwe ka nako ya lekgolo la ntlha la dingwaga go fitlhela lekgolo la borobabobedi la dingwaga, ka nako e matlapa e neng e le one a mo tirisong go gaisa. Dinkgwana tsa nako ya go dirisiwa tshipi tse di fitlhetsweng koo di supa fa beng gae ba ne ba kopana le badirisi ba tshipi ka lekgolo la bolesome go fitlha ka la lesome le boraro la dingwaga.
Go epa go ne ga ribolola diirisiwa tsa motlha wa leje di feta dikete di supa, bontsi jwa tsone ke mafofora, fa bonnye bo bo setseng e le difadi, ditootso le ditshilo. Dilo tse dingwe tse di epolotsweng di akaretsa marapo, digalase, maphatlo a dinkgwana tse di thubegileng le letsopa la lekgolo la lesome le borobabongwe la dingwaga.[2]
Ka ngwaga wa 1852, setlhopha sa merafe ya Batswana e le mene, ba eteletswe pele ke Kgosi Sechele wa ntlha wa Bakwena, ba ne ba lwa kgatlhanong le batho ba lotso lwa seburu mo ntweng ya Dimawe. Go ne ga nna le maiteko a go tshabisa le go fudusa bomme le bana mo lefelong leo. Mosadi wa boraro wa ga Sechele o ne a tshaba mme a iphitlha mo logageng lwa Mmasechele.[10] Ga go na sepe mo ditsong se se supang gore basadi ba iphitlhile lobaka lo lo kae, mme o ne a kgona go falola go fitlhela ntwa e fela ka ngwaga wa 1853.[11][12]