Mogogi Gabonamong yo o tshotsweng ka kgwedi ya Lwetsi e tlhola malatsi ale lesome, ngwaga wa 1982 ke rre wa motswana. Ke motshameki wa pele wa kgwele ya dinao, yo o tshamekileng legare la itshereletso kana jaaka mosireletsi mo ditlhopheng di le mmalwa, goakaretsa Bloemfontein Celtic e e mo legatong le le ko godimo la kgwele ya dinao mo Aforika Borwa eleng South African Premier League le mo Botswana. Ka ngwaga wa 2011, Mogogi ene ele ene motshameki yo o amogelang go gaisa mo Botswana ;$354,000(USD).[1]
Gabonamong o tshameketse ditlhopha di akaretsa Supersport United, Engen Santos, Township Rollers, FC Satmos, Caledonia AIA le Mogoditshane Fighters. Mo dingwageng tsa gagwe tsa bonana, Mogogi one a ya ditekong kwa setlhopheng se setona kwa Europe ebong Manchester United.
Fa e sale go tswa ka motshameko wa gagwe wa ntlha mo setlhopheng sa sechaba(Botswana) ale dingwaga di le lesome le borataro, ngwaga wa 1999, Mogogi gaaise e tlhoke go nna karolo ya setlhopha se se emetseng lefatshe.
Mogogi Gabonamong at National-Football- teams.com