Sanji Mmasenono Monageng yo o tsetsweng ka kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi a robabongwe ngwaga wa 1950 o ile a nna moatlhodi mogolo wa kgotla kgolo ya ditsheko ya mafatshefatshe (ICC) go simollla ka ngwaga wa 2009.
Monageng ke motswana ka tlholego, o nnile moatlhodi mo Botswana ka ngwaga wa 1989. Mo ngwageng wa 2003, Monageng o ne a tlhophiwa go nna mookamedi mo mohameng wa bookamedi jwa Aferika (African Union) mo lekgotleng la Aferika la ditshwaneko tsa setho. Mo kgweding ya Ngwanaatsele ka ngwaga wa 1996, o ne a tsenelela bokapano jwa Yogyakarta Principle jo bo neng bo tshwaretswe kwa sekolong sa ithutelo ditiro sa Gadjah Mada.[1] Mo ngwagen wa 2007 o ne a nna modulasetilo wa lekgotla. [2]
ka ngwaga wa 2009 , Monageng o ne a tlhophiwa go nna moatlhodi wa kgotla kgolo ya ditsheko ke ba (Courts Assembly of States parties). Konteraka ya gagwe ye e sa shafadiweng e tla bokhutlong ka ngwaga 2018.[3].
Fa Monageng a tlhophiwa go tsena mo kgotleng kgolo ya ditsheko ka ngwaga wa 2009, o ne a tlhomiwa go nna mo lefapheng la ditekeletso Pele la kgotla. Monageng o nnile mo lefapheng la ditekeletso Pele la kgotla go filtha ka ngwaga wa 2012. Morago ga go direla ka fa tlase ga lefapha la ditekeletso Pele la kgotla, Monageng one a simolola go direla mo lekalaneng la boikuelo la kgotla ka 2012. O ne a tlhatlosiwa maemo go nna toutona wa lekgotlana la boikuelo la ngwaga wa 2014
Mo magareng ga dingwaga tsa 2012 le 2015, o ile a dira ele mothusa tautona wa ntlha wa kgotla mo lobakeng lwa dingwa tse tharo.
Ka nako e Mme Monageng o neng a tlhopiwa go nna moatlhodi wa Kgotlatshekelokgolo ya ditsheko ya mafatshefatshe, e ne e le motshwarelela moatlhodi wa kgotlatshekelo ya Gambia ebile gape e le moatlhodi wa kgotlatshekelokgolo ya Eswatini.[4]
Mo Kgweding ya Lwetse e tlhola malatsi ale masome a mararo ka ngwaga wa 2008, Monageng o ile a amogela tlota ya tautona ya tlotlomatso go mo go tautona Ian Khama[5]. Ka ngwaga wa 2014 Monageng o filwe tlotla ya Ditshwanelo tsa Setho ke ba International Association of Women judges [6].