Di-instithushene tsa technical and further education or TAFE (/ˈteɪf/) kwa Australia di abelana ka dirutwa tse di anameng segolo thata tsa borutatiro (vocational), go ntsi dirutwa tse di khwalifaya ka fa tlase ga National Training System/Australian Qualifications Framework/Australian Quality Training Framework. Mafapha a akarediwang a akaretsa tsa kgwebo (business), moruo (finance), hospitality, bojanala (tourism), dikago (construction), bo-enjinere (engineering), botshwantshisi jwa ponalo (visual arts), thelenolji ya kitso (information technology) le tsa tirelo setshaba (community work).
Di-instithushene ts TAFE ka bo bosi (go le gontsi di na le dikhampase di le mmalwa) tseo di itsagaleng jaaka dikholetshe kgots di-instithuti, go ya ka lefatshe kgotsa naga-lefelo la yone. Dikholetshe tsa TAFE di owned, dirisiwa gape le go duelelwa ke mebuso ya mehutahuta ya lefatshe le naga-lefelo (state and territory). Se se farologane le lefapha la yunibesithi, leo tuelelo ya lona e leng segolo se tonna the domain ya mmuso wa (federal government) mme beng ba diyunibesithi tse segolo se tonna ke mebuso ya naga-lefatshe.
Dikholetshe tsa T.A.F.E di aba dikhwalifikheishene tsa Australian Qualifications Framework (AQF) tse di netefaditsweng ke lefapha la Vocational Education and Training (VET) tse di tsamaelenang le dikhwalifikheishene tsa Certificate I, Certificate II, Certificate III, Certificate IV, Diploma, Advanced Diploma, Graduate Certificate le Graduate Diploma.[1] Mo mabakeng a le mantsi dithuto tsa TAFE di ka dirisiwa jaaka partial credit go isa go thulaganyo ya yunibesithi ya leemo la dikerii ya bachelor.
Go tloga ka ngwaga wa 2002 lefapha la thuto la TAFE le kgonne go abelana ka dikerii ya bachelor le ka dithutiso tsa post-graduate diploma go tlatsa sekgala, segolo thata sa thutotiro tse di itebantseng le di -area tsa thuto ya tiro e e rileng. Go tloga ka letlha la Seetebosigo 2009 dikholetshe tsa TAFE tse 10 (bontsing tse di kwa New South Wales,[2] Victoria, mme gape le kwa Western Australia, ACT, le kwa Queensland) jaanong jaana di abelana ka difoka tsa bona tsa leemo la dikerii le tsa dipoloma tsa post graduate, le fa tshimologong ba sa ye go feta leemo la dikerii ya bachelor. Le fa go le jalo, Melbourne Polytechnic e akhreditilwe ka ngwaga wa 2015 go ka fa dithutiso tse pedi tsa dikerii tsa master's.[3] Go tshwana jalo, diyunibesithi tse dingwe , sekao, Charles Darwin University le Royal Melbourne Institute of Technology, di abelana ka dithutisi tsa thuto-tiro (e se seng e leng boagelo ba TAFE); tseo di duelelwang ke puso-selegae le mmuso wa sedikadikwe. Dikolo dingwe tse dikgolo le tsona di abelana ka dithutiso tse di tlhagisitsweng e bile diakhreditilwe ke TAFE.[4][5]
Baithuti ba ba ikwadisetsang dithutisi tsa dikerii tsa kalogo-tlase kwa TAFE ba tshwnetse go duelela dituelo tsa dithutiso ka botlalo ebile ga ba letlelelwa dituelelo-kadimo tsa baithuti tsa Commonwealth Government supported student fee loans, tse di itsegeng e le dituelelo-kadimo jaaka HECS, e fela ba ka fitlhelela sekema sa kadimo ya Tuelo-Thuso but (FEE-HELP).[6] Le fa diyunibesithi di na le tshono le matla go aga/bopa le go abelana ka dithutiso tsa dikerii tsa tsona, nngwe le nngwe ya dithutiso tsa dikerii tsa TAFE di tshwanetswe tsa tlhatlhobiwa le go letlelelwa ke Higher Education Accreditation Committee (HEAC).[4]
Di TAFE mo mafelelong a mangwe di ka ruta dikhwalifikheisene tsa dikolo-kgolwane, jaaka tsa VCE, Victorian Certificate of Applied Learning, le Higher School Certificate. Diyunibesithi tse dingwe, sekao, Charles Darwin University le Royal Melbourne Institute of Technology, di abelana ka dithutiso tsa TAFE; tseo di duelelwang ke mebuso ya selegae le ya sediko. Dikolo dingwe tse kgolo le tsona di ruta dithutiso tse tsweleditsweng le go akhreditiwa ke di TAFEs.
Di-instithushene dingwe tsa poraebete le tsona di abelana ka dithutiso tse do tswang go di-TAFE, le fa go le jalo ka setlwaedi do abelana ka dithutiso tse dingwe tsa vocational education and training. Bontsi ba Ma-Australia ba kaya dithutiso tsotlhe tse di kwa tlase-ga-dikerii jaaka dithutiso tsa "TAFE", go sa re sepe gore ke di=instithushene dife tse tlhodileng kgotsa di rutang dithutiso tseo. Pele ga mengwaga ya bo-1990s, Di-TAFE di ne di atametse go nnamonopoly mo sekthatareng e. Dithutiso tsa TAFE di naya baithuti phatlha/tshono ya makwalo-tshupo a dikhwalifikheishene tse, setifikheati, dipoloma, le dipoloma e e tsweletseng mo dibakeng tse di bophara.
Go le gontsi, dikhamphase tsa TAFE di tlhaotswe ka di-instithushene tsa TAFE go ya ke methaladi ya seleago. Bontsi ba di-TAFE bo filwe karolo e e itsagaleng ya sediko ya naga moo ba dirang bongbosi go akaretsa dirutwa di le dintsi.
Di-TAFE di le mmalwa di-speshalisa ka kgaolo e le nngwe ya thuto. Ka gale tse di bonwa kgaufi le bogare ba metsesetoropo, mme di direla ka bogotlhe naga kgotsa sediko. Sekao, Trade and Technician Skills Institute kwa Brisbane, (go tloga ka di 1 tsa kgwedi ya Phukwe 2006), e speshalisa ka dirutwa tsa automotive, building le construction, manufacturing le engineering, le electrical/electronic go baithuti ba mo Queensland yotlhelele. Kgotsa William Angliss Institute of TAFE kwa Melbourne e e speshalisang ka dithutiso tsa dijo, theleso le bojanala go ba mo Victoria.
Mo nagakgolo ya Australia [Australian Capital Territory] the di akaretsa:
Go na le intitshiti di le lesome tsa TAFE NSW kwa NSW tse di akaretsang:
Kwa Northern Territory tse di akaretsa:
Kwa Queensland, TAFE Queensland di akaretsa:
Go tloga ka kgwedi yaMotsheganong 2014, di-instithushene tsa TAFE ditlhakantshitswe go didiko tsa bogare ba TAFE Queensland (parent body)di le tshelela. Didiko tsa TAFE Queensland ke:[7]
Kwa South Australia:
Kwa Tasmania, go na le mebuso e mebedi ya makgotla a TAFE:
Kwa Victoria tse di akaretsa:
Kwa Western Australia, tse di akaretsa:
{{cite web}}
: Unknown parameter |deadurl=
ignored (|url-status=
suggested) (help)
{{cite web}}
: Unknown parameter |deadurl=
ignored (|url-status=
suggested) (help)CS1 maint: archived copy as title (link)
{{cite web}}
: Unknown parameter |deadurl=
ignored (|url-status=
suggested) (help)CS1 maint: archived copy as title (link)